Mmutla le Khudu · Setswana
Ga twe e rile bogologolo, Mmutla o ne a ipelafatsa mo diphologolong tsotlhe. Letsatsi le letsatsi o ne a re: "Ga go na ope yo o ka mphenyang mo lebelong!" Khudu o ne a reeditse ka tidimalo. Ka letsatsi lengwe a re: "Mmutla, a re siane go ya kwa nokeng." Diphologolo tsotlhe tsa tshega. Mmutla a tshega go gaisa tsotlhe, a re: "Wena, Khudu? O tsamaya ka bonya bo bogolo! Go siame, re tla siana kamoso." Bosigo joo Khudu a bitsa ba losika lwa gagwe. Ba ne ba lebega fela jaaka ene. A ba baya mo tseleng yotlhe go ya kwa nokeng, mongwe le mongwe mo lefelong la gagwe, a ba raya a re: "Fa lo utlwa Mmutla a bitsa, arabang lo re: 'Ke fano!'" Mo mosong lebelo la simolola. Mmutla a taboga ka bonako, a leba kwa morago a se ka a bona sepe. A ema fa tlase ga setlhare go ikhutsa, mme a bitsa a re: "Khudu, o kae?" Lentswe la araba kwa pele ga gagwe: "Ke fano!" Mmutla a gakgamala, a taboga gape. Gangwe le gape o ne a bitsa, mme ka metlha go ne go arabiwa kwa pele. Fa a goroga kwa nokeng a lapile thata, a fitlhela Khudu a setse a dutse fa lotshitshing, a nwa metsi. Diphologolo tsa itumela. Mmutla a tlhabiwa ke ditlhong, mme go tloga ka letsatsi leo a se ka a tlhola a ipelafatsa. Ke fa nnaane e felelang teng.
Le Lièvre se vantait qu'aucun animal ne pouvait le battre à la course, alors la Tortue le défia de faire la course jusqu'à la rivière. Cette nuit-là, la Tortue plaça ses parents qui lui ressemblaient tout le long du chemin et leur dit de répondre chaque fois que le Lièvre appellerait. Chaque fois que le Lièvre s'arrêtait pour appeler, une voix répondait plus loin devant, et quand il arriva épuisé à la rivière, la Tortue y était déjà en train de boire. Le Lièvre eut honte et ne se vanta plus jamais.Traduit automatiquement